Latest News

Safer Festive Season

Gallery of Pictures


21 November 2022
Thapelo ya pabalesego tseleng le goroga o tshela.

Jaaka re le gaufi thata le go tsena mo matsatsing a khunologo, badiri le bana ba dikolo ba ipaakanyetsa go tsena mo tseleng go etela ba losika le ditsala ko mafelong a farologaneng.

Mme kelelo ya pharakano e tla oketsega mo ditseleng, ke sone se lefapha la Tshireletsego ya Baagi le Tsamaiso ya Dipalangwa e ileng ya mema batsaakarolo ka go farologana go nna karolo ya 'Thapelo ya Pabalesego tseleng le Goroga O Tshela' mo Masepaleng wa selegae wa Rusternburg.

Baruti le dikereke ka go farologana, ditlamo di le mmalwa, badiredi puso mo go tsa pabalesego ba ile ba thologela thapelo e ka makaatla a namane.

Ntlha kgolo ya kopano e ne e le go rapelela tshireletsego go botlhe ba ba tla tsayang maeto a farologaneng gore ba batle ba goroge ba tshela le go keteka malatsi a boikhutso le ba losika le ditsala ka pabalesego. Ntswa go le jalo, badiri ba pabalesego botlhe fela, le bone ba akareditswe mo dithapelong tsa baruti ba baneng ba abelana ka mafoko a thotloetso go tswa mo thamageng e boitshepo ka ba tlabe ba semeletse sa setlha se se tlang sa boikhutso.

Mmatoropo wa Masepala wa selegae wa Rusternburg Cllr Sheila Mabale-Huma o ile a latlhela la motla pitsong jaaka sebui segolo. O ne a bua a sa kgale mathe ganong ka go kopa baagi ba Rusternburg le ba ba tla be ba dirisa ditsela tsa go tsena le go tswa ka Rusternburg gore ba obamele melao ya tsela, go kgweetsa ka lebelo le le lekanyeditsweng, go ikhutsa mo lefelong le le babalesegileng morago ga dikilometara di le makgolo a mabedi (200km) fa ba tsaya loeto le le leele.

Mmatoropo Mabale-Huma o kgadile ka bogale bakgweetsi ba ba kgweetsang ba pagame ntšhe, kgotsa ba le mo letsapeng ka gonne tse ke dingwe tsa di tlhola dikotsi tse di sa tlhokagaleng.

Lefapha la Tshireletso ya Baagi le Tsamaiso ya Dipalangwa ka tirisano mmogo le Masepala wa selegae wa Rusternburg ka tshwaragano ya batsaakarolo ba tla tswelela ka metseletsele ya tsiboso ya ipabalelo tseleng go tloga ga jaana go fitlha setlha sa boikhutso se ya bokhutlhong mo ngwageng o mošha wa 2023 ka Ferikgong.

Next Articles+






PUBLIC ENTITIES


MEC
Sello Lehari



Acting HOD:
Mr Molefi Morule

Mission and Vision



You are visitor no: